Matthew 12

Jesu o tlhalosa molao wa Sabata

1Mme erile ka lobaka loo, ka letsatsi le-ngwe Jesu a tsamaya a raletse masimo a mabele le barutwa ba gagwe. Go ne go le letsatsi la Sabata, letsatsi la Sejuta la kobamelo-Modimo, barutwa ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala, jalo ba simolola go roba diako tsa mabele ba a ja.

2Mme Bafarasai bangwe ba ba bona ba dira jalo mme ba go tlhabantsha ba re, “Barutwa ba gago ba tlola molao. Ba roba go le Sabata.”

3Mme Jesu a ba raya a re, “A ga lo ise nke lo bo lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa a bolailwe ke tlala le ditsala tsa gagwe? 4O na a tsena mo Tempeleng mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se letleletsweng baperesiti fela. Moo le gone e ne e le go tlola molao! 5Gape a ga lo ise nke lo bo lo bale mo molaong wa ga Moshe ka fa baperesiti ba ba mo tirong mo Tempeleng, ba ka dirang ka teng go le Sabata? 6Mme ammaaruri, mongwe o fano yo o mogolo go Tempele! 7Mme fa lo ka bo lo itsile tlhaloso ya temana ya lokwalo lo lo reng, ‘Ke batla gore lo nne kutlwelobotlhoko go feta jaaka ke batla dimpho tsa lona,’ lo ka bo lo sa sekisa ba ba senang molato. 8Gonne Morwa Motho, ke Morena le wa Sabata tota.”

9Mme ka nako eo a ya kwa ntlung ya thuto, 10Mme teng koo a bona monna yo o golafetseng seatla. Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “A go letleletswe go fodisa ka letsatsi la Sabata?” (Tota ba ne ba solofetse gore o tlaa re, “Ee”, gore ba tle ba mo tshware).

11Hong Jesu a fetola a re; “Fa o ne o na le nku e le yosi fela, ya be e wela mo sedibeng go le Sabata, a o no o ka dira gore o e falotshe ka letsatsi leo? Ee tota o no o ka dira jalo. 12Mme motho o tlhwatlhwa-kgolo thata jang go feta nku! Ee go siame go dira tshiamo ka Sabata!” 13Mme a raya monna yoo a re, “Otlolola lebogo la gago.” Mme ya re a le otlolola, seatla sa gagwe sa itekanela, fela jaaka se sengwe!

14Mme, Bafarasai ba bitsa phuthego go loga maano a ka fa ba ka tshwarang le go bolaya Jesu ka teng.

Motlhanka yo o itshenketsweng

15Mme a itse leano le ba neng ba le loga, mme a tswa mo ntlung ya thuto a setswe morago ke bontsi. A fodisa botlhe ba ba lwalang mo go bone, 16mme a ba tlhagisa gore ba seka ba anamisa mafoko kaga dikgakgamatso tsa gagwe. 17Se se diragaditse seporofeso sa ga Isaia se se buang ka ga Jesu se re. 18“Bonang motlhanka wa me. Bonang yo ke mo itshenketseng. Ke moratwi wa me, yo mowa wa me o itumelang mo go ene, ke tlaa tsenya mowa wa me mo go ene o tlaa atlhola dichaba. 19Ga a lwe e bile ga a goe; ga a tlhatlose lentswe la gagwe! 20Ga a repitletse ba ba bokoa, kgotsa go timola tsholofelo e potlana; o tlaa wetsa ntwa ya gagwe yotlhe ka phenyo, 21mme leina la gagwe le tlaa nna tsholofelo ya lefatshe lotlhe.”

Jesu o foufolola sefofu sa semumu

22Mme ga leriwe kwa go Jesu monna yo o tsenyweng ke badimo, a le sefofu a bile a le semumu, mme Jesu a mo fodisa gore a bue a ba a bone. 23Bontsintsi jwa batho ba gakgamala ba re, “Kgotsa Jesu ke Mesia.”

24Mme e rile fa Bafarasai ba utlwa kaga kgakgamatso e ba re, “O ka kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka gore ke Satane, kgosi ya mewa e e maswe.”

25Jesu a itse megopolo ya bone mme a fetola a re, “Bogosi jo bo kgaoganyeng bo felela ka go pheretlhana. Motse kgotsa lolwapa lo lo ikgaoganyang ga lo ka ke lwa ema. 26Mme fa Satane a kgoromeletsa Satane ntle, o a itwantsha o bile o senya bogosi jwa gagwe. 27Mme fa e le gore lwa re, ke goromeletsa mewa e e maswe ntle, ka go dirisa dinonofo tsa ga Satane, jaanong batho ba lona ba dirisa nonofo efe go e kgoromeletsa ntle? A ba arabele ka fa lo mpegang molato ka teng. 28Mme fa ke kgoromeletsa mewa e e maswe ntle ka Mowa wa Modimo, hong bogosi jwa Modimo bo tsile mo go lona. 29Motho ga a ka ke a thopa bogosi jwa ga Satane kwa ntleng ga gore a golege Satane pele. Ke gone fela mewa ya gagwe e e maswe e ka kgoromelediwang ntle a sena go golegwa. 30Le fa e le mang yo o sa nthuseng o nkutlwisa botlhoko.

31
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 12:32.
32
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 12:31-32.
“Mme le fa e le mang yo o ntlhapatsang kgotsa a bua sebe sengwe fela, o tlaa itshwarelwa tsotlhe, fa e se se sengwe fela: go bua bosula kgatlhanong le Mowa o o Boitshepo ga go na go itshwarelwa mo lefatshing leno, le fa e le mo lefatshing le le tlang.

33“Setlhare se lemogwa ka loungo lwa sone. Setlhare se se tlhophilweng mo mofuteng o o faphegileng se ungwa loungo lo lo siameng; mefuta e e seng yone ga e ungwe loungo lo lo siameng. 34Losika lwa dinoga ke lona! Batho ba ba bosula jaaka lona ba ka bua se se molemo le tshiamo jang? Gonne pelo ya motho e laola puo ya gagwe. 35Puo e e molemo ya motho e senola mahumo a a mo go ene. Motho yo o pelo e bosula o tletse botlhole le puo ya gagwe e a bo supa. 36Mme ke lo bolelela se, gore lo tlamega go arabela lefoko lengwe le lengwe le lo le buang la boithamako ka letsatsi la katlholo.

37“Mafoko a lona a supa se se tlaa lo diragalelang ka nako eo: lo ka nna lwa siamisiwa kgotsa lwa sekisiwa ka one.”

Bafarasai ba batla go bona sesupo

38Letsatsi lengwe baeteledipele ba Sejuta le Bafarasai bangwe, ba tla kwa go Jesu ba mo kopa go bona kgakgamatso go supa gore a ke ene Mesia tota.

39
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 12:40.
40
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 12:39-40.
Mme Jesu a fetola a re, “Sechaba se se bosula se se senang tumelo ke sone fela se ne se ka kopa bosupi bongwe gape; mme bope ga bo kitla bo dirwa fa e se fela se se neng sa diragalela moporofiti Jona! Gonne fela jaaka Jona a ne a le mo mpeng ya leruarua malatsi a le mararo le masigo a le mararo, jalo he, nna Morwa Motho, ke tlaa nna mo mpeng ya lefatshe malatsi a le mararo le masigo a le mararo.
41Banna ba Ninefe ba tlaa ema kgatlhanong le chaba e kwa tshekong ba lo bona molato. Gonne e rile fa Jona a ba rerela ba ne ba sokologa mo ditseleng tsa bone tsotlhe tse di bosula ba boela mo Modimong. Mme jaanong yo mogolo go feta Jona o fano mme lo gana go mo dumela.

42“Kgosigadi ya Sheba e tlaa emelana le chaba e, e e bona molato; gonne o dule kwa lefatshing le le kgakala go tla go utlwa botlhale jwa ga Solomone, mme jaanong yo mogolo go feta Solomone o fano; mme lo gana go mo dumela.

43
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 12:45.
44
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 12:45.
45
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 12:43-45.
“Chaba e e bosula e, e tshwana le motho a tsenywe ke mowa o o maswe. Gonne fa mowa o o maswe o tswa mo go ene, o ya mo dikakeng ka lobakanyana, o senka boikhutso mme o seke o bo bone. Mme o re, ‘Ke tlaa boela kwa mothong yo ke neng ke tswa mo go ene’ o boe o fitlhele pelo ya motho yoo e le phepa e bile e sena sepe mo teng! Mme mowa o o maswe o bone mewa e mengwe e supa e e bosula go o gaisa, mme yotlhe e tsene motho yoo e nne mo go ene. Mme a bife go gaisa pele.”
46
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Mathaio 12:47.
47
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Mathaio 12:46-47.
Ka Jesu a na a bua mo ntlung e e tletseng batho, mmaagwe le bomonnawe ba ne, ba le kwa ntle kwa, ba batla go bua nae. Mme erile mongwe a mmolelela gore ba foo,
48a fetola a re, “Mme ke Mang? Bonnake ke bomang?”

49A supa barutwa ba gagwe a re, “Bonang! Mme le bonnake ke ba.” 50Mme a oketsa ka gore, “Le fa ele mang yo o reetsang Rre kwa Legodimong ke nnake, kgaitsadiake le mme.”
Copyright information for TsnLEF